Mo
Motswasele II, terama ya ntlha e e kwadilweng ke Motswana e e ikaegileng ka ditiragalo tsa hisetori, L.D. Raditladi o sekaseka bogosi ka baanelwa ba babedi ba banna ba ba maatla, Moruakgomo le Motswasele. Go ya ka hisetori ya Bakwena, bobedi joo e ne e le dira ka ba ne ba lwela bogosi. Raditladi o kgala mokgwa wa puso wa ga Motswasele, yo o busang ka letsogo la tshipi, a itseela metlhape ya batho ba gagwe mme lefoko la gagwe e le la bofelo. O itikagantse le batho ba ba sa tshepagaleng e bile ba sa itse sepe ka boeteledipele kgotsa sepe se se tsamaelanang le bogosi. Moruakgomo, ka fa go je lengwe, o tlhagelela e le moetapele yo o pelo, wa segatlhamelamasisi, yo o botlhale, yo o ponelopele e bile a kgona go reetsa fa a gakololwa.
Mo terameng, Raditladi o lemosa kgosi go se kgopise batho ba e tlaa tsogang e ba tlhoka kamoso, le go se letle dikoma tse a di iteelwang go mo ya tlhogong le go mo tlatsa maikgogomoso.
Motswasele II e fatlhosa babuisi ka ga botlhokwa jwa setheo sa bogosi, le botlhokwa jwa kgosi go busa ka botlhale le go rarabolola dikgotlang fa di runya.
The Setswana play Motswasele II explores what it means to be a good chief through the characters of two powerful Batswana men, Moruakgomo and Motswasele.
Book InformationISBN 9781776140800
Author Leetile Disang RaditladiFormat Paperback
Page Count 132
Imprint Wits University PressPublisher Wits University Press